Basha ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse 30
International Youth Travel Card
Ga o tlhole o le moithuti? Karata ya IYTC e na le melemo le diphokoletso tse dintsi tse di tshwanang le tsa karata ya ISIC, mme ke sediriswa se se botlhokwa segolo bogolo fa o tsamaya kwa dinageng di sele.
Goreng o ka tsaya karata ya IYTC
Marang-rang a magolo go gaisa otlhe a diphokoletso tsa basha mo lefatsheng
Ikopanye le dimilione tsa basha ba ba setseng ba na le karata ya IYTC e e dirang!
Tshwanelo ya Karata
Ke mang yo o tshwanelegileng go nna le karata ya IYTC?
International Youth Travel Card (IYTC) e teng mo bathong ba ba nang le dingwaga di le 30 kgotsa ka fa tlase ga foo, ba e seng baithuti ba nako e e tletseng.
Go bona karata ya IYTC o tshwanetse go kgona go supa dingwaga tsa gago ka karata ya boitshupo ya semmuso e e ntshitsweng mo nageng e o nnang mo go yona, phasepoto kgotsa setlankana sa botsalo. O tla tlhoka gape setshwantsho sa gago sa bosheng se se lekanang le sa phasepoto.
Tlhwatlhwa ya Karata
Tlhwatlhwa ya karata e a farologana go ya ka naga e e e ntshang, mme e magareng ga 4 le 25 EUR. Gore go nne tekatekano ka mo go ka kgonegang, e laolwa ke maatla a go reka mo nageng nngwe le nngwe.
Botshelo jwa Karata
Karata ya IYTC e ka ntshiwa ka nako nngwe le nngwe, mme e dira dikgwedi di le 12 go tloga ka letlha le o e rekileng ka lona.