Karata ya ISIC e thailwe lekgetlho la ntlha ke baithuti e le ya baithuti ka 1953.
Ke mang yo o kwa morago ga ISIC?
Mokgatlho wa ISIC ke mokgatlho o o sa direleng poelo o o emeng kwa morago ga tsamaiso, kgolo le ntshetsopele ya International Student Identity Card (ISIC).
Mokgatlho wa ISIC, o o kwadisitsweng kwa Denmark, ke mokgatlho wa maloko o o sa direleng poelo o o nang le maloko a setšhaba a a fetang 150 (mekgatlho e le 46 e e leng maloko ka botlalo). O laolwa ke Molaotheo le Tumelelano ya Mokgatlho wa ISIC, mme o okametswe ke Boto ya Mokgatlho wa ISIC. Tsamaiso le ditiro tsa letsatsi le letsatsi di dirwa ke Ofisi ya Ditirelo ya ISIC.
Go Tokafatsa Botshelo jwa Baithuti
Maitlhomo a Mokgatlho wa ISIC ke ‘Go tokafatsa botshelo jwa baithuti’. Maitlhomo a a tla tswelediwa pele ka go nna le seabe se se botlhokwa sa go ema baithuti nokeng mo lefatsheng ka bophara, ka go thusa gore nako ya bona ya boithuti e nne motlhofo, e rekege e bo e itumedise, ka go nolofatsa kamogelo ya boemo jwa bona jwa semmuso jwa boithuti mo lefatsheng ka bophara.
Maikaelelo a Mokgatlho ke gore ISIC e nne selo se baithuti ba tshwanetseng go nna le sona mo lefatsheng ka bophara. Maikaelelo a a tla tswelediwa pele ka go oketsa phitlhelelo ya ditšhono tsa thuto, go nolofatsa botshelo jwa boithuti, go godisa go utlwana ga ditso le go ananya thuto, le go aga dikamano tse di nonofileng magareng ga baithuti ba ditšhaba tsotlhe le setšhaba sa thuto sa lefatshe lotlhe.